TN/Prabhupada 0001 - Go atolosa go di-millione



Lecture on CC Adi-lila 1.13 -- Mayapur, April 6, 1975

Prabhupada: Go buile jaana Caitanya Mahāprabhu araya di-ācārya tsotlhe... Nityānanda Prabhu, Advaita Prabhu ga mmogo le Śrīvāsādi-gaura-bhakta-vṛnda botlhe ke balatedi ba ditaelo tsa ga Śrī Caitanya Mahāprabhu. Ka ga jalo leka go sala mogaro tsela e ya di-ācārya! Ka ga jalo botshelo botla bona katlego. Legone go nna ācārya ga go bokete bo bokalo! Sa pele, ke go sala ācārya morago ka botshepegi jo bogolo. sala morago se ase buang. leka go mo kgotsofatsa o phatlhalatse -Kṛṣṇa consciousness- lorato lwa Modimo. Fela! Gago thata le eseng. Leka go latela ditaelo tsa Guru Mahārāja / moruti wa gago mme o phatlhalatse 'rato lwa Modimo kgotsa yone Kṛṣṇa consciousness. Seo ke taelo ya Morena Caitanya.

āmāra ajñāya guru hañā tāra' ei deśa
yāre dekha tāre kaha 'kṛṣṇa'-upadeśa
(CC Madhya 7.128)

'Tshalo morago ya taelo Yame, e go dira moruti/guru. Fa re ka tsepama mo tsamaisong e ya bo- ācārya, ra leka ka bojotlhe go phatlhalatsa dikaelo tsa ga Kṛṣṇa. Yāre dekha tāre kaha 'kṛṣṇa'-upadeśa (CC Madhya 7.128). go mefuta e mebedi ya kṛṣṇa-upadeśa. Upadeśa ke dikaelo. Dikaelo tse di ntshitsweng ke Kṛṣṇa , seo le sone ke 'kṛṣṇa'-upadeśa, le dikaelo kaga Kṛṣṇa , seo le sone ke 'kṛṣṇa'-upadeśa, Kṛṣṇasya upadeśa iti kṛṣṇa upadeśa. Samāsa, śāsti-tat-puruṣa-samāsa. Le Kṛṣṇa viṣayā upadeśa, seo le sone ke Kṛṣṇa upadeśa. Bāhu-vrīhi-samāsa. E ke yone tsela yago sekaseka mokwalo wa Sanskrit ka ga jalo upadeśa ya ga Kṛṣṇa ke Bhagavad-gītā. Ke Ena ka sebele a ntshang dikaelo. Jaanong, mongwe yo o phatlhalatsang kṛṣṇa-upadeśa, -go bonolo- boeletsa se se boilweng ke Kṛṣṇa, ka gajalo o nna ācārya. Ga go matsapa le eseng. Tsotlhe di tlhalositswe moo. Jaaka papalagae re tshwanetse re boeletse fela! tota eseng thata jaaka papalagae, papalagae e bua fela ga e tlhaloganye. Mara o tshwanetse o tlhaloganye le bokao; ntle le jalo oka tlhalosa jang? Jaanong re batla go phatlhalatsa Kṛṣṇa consciousness. Ipaakanyetse go boeletsa dikaelo tsa ga Kṛṣṇa sentle ntle le go fapoga mo bokaong jwa tsona. E tle ere ka moso,... gore ga jaana ona le 'kete tse lesome. Re godise go nna 'kete dile lekgolo. Go batla jalo. Jaanong dikete tse lekgolo go tse miliyone. le miliyone go 'shome a miliyone.

Phuthego: Haribol! Jaya!

Prabhupada: Go rialo go ka se nne le tlhokego ya di-ācārya, le batho batla tlhaloganya Kṛṣṇa consciousness [lorato lwa Modimo] bonolo fela. Ka ga jalo rulaganyang jalo. Lo seke lwa tlala boikgantsho jo bo seyong. Sala morago dikaelo tsa ācārya mme o leke go itsheka, o gole. Go rialo go tla nna bonolo thata go lwantsha māyā. Eya. di- ācārya di lwantshana le mathaithai a māyā.